Psalms 94:1-23 TSW1908 - Bible AI

1Jehofa, wena Modimo o pusoloso e leng ya gago, wena Modimo o pusoloso e leng ya gago, betlamela ntle.

2Wena moatlhodi wa lefatshe, itsholetse; naya ba bopelompe maduo a bone.

3Jehofa, baikepi ba tlaa nna goleele go le kaye; baikepi ba tlaa ja koma goleele go le kaye?

4Ba a balabala, ba bua ka boitelaganyo; badira tshiamololo botlhe ba a ipelafatsa.

5Ba phatlakanya batho ba gago, Jehofa; ba tlhokofatsa boswa jwa gago.

6Ba tle ba bolaye mosadi wa motlholagadi le moeng ba swe, ba matle masiela.

7Mme ba re: “Jehofa ga a ketla a bona, le gone Modimo wa ga Jakobe ga o ketla o tlhokomela.”

8Tlhokomelang, lona ba lo leng dieleele mo bathong; le lona masilo lo tlaa tlhalefa leng?

9Ene yo o tlhomileng tsebe, a ga a ketla a utlwa? Ene yo o bopileng leitlho, a ga a ketla a bona?

10Ene yo o otlhayang merafe, a ga a ketla a siamisa, e bong ene yo o rutang motho kitso?

11Jehofa o itse megopolo ya motho fa e le lefela fela.

12Go sego monna yo o mo otlhayang, Jehofa, o mo ruta ka molao wa gago;

13gore o tle o mo neye go ikhutsetsa metlha ya pitlagano, go tsamaye lemena le epelwe baikepi.

14Gonne Jehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwe, le gone ga a ketla a tlhala boswa jwa gagwe.

15Gonne katlholo e tlaa boela mo tshiamong; le botlhe ba ba thokgameng mo pelong ba tlaa e sala morago.

16E mang yo o tlaa nkemang nokeng a ntlhabantsha le badira bosula? E mang yo o tlaa nkemelang a ntlhabantsha le badira boikepo?

17Fa Jehofa a ka bo a se ka a nna thuso ya me, mowa wa me o ka bo o akofile wa aga mo tidimalong.

18E rile ke re: “Lonao lwa me lo a relela,” boutlwelobotlhoko jwa gago Jehofa, jwa ntshegetsa.

19Mo bontsing jwa megopolo ya me e e mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di tle di jese mowa wa me monate.

20A bonno jwa tshiamololo bo tlaa amogana nao, e le se se baakanyang bosenyi ka molao?

21Ba iphuthela mowa wa mosiami, ba ba ba sekisa batho ba ba se nang molato.

22Jehofa e ntse e le ene kago ya me e e godileng ya phemelo; le Modimo wa me e ntse ke one lefika la botshabelo jwa me.

23Mme o ba lereditse boikepo jwa bone tota, o tlaa ba kgaola ba le mo bosuleng jwa bone tota; Jehofa, Modimo wa rona o tlaa ba kgaola.