Psalms 96:1-13 TSW1908 - Bible AI

1A ko lo opeleleng Jehofa sefela se seša; lefatshe lotlhe, opelelang Jehofa.

2Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe; bolelelang poloka ya gagwe pele ka go tlhomaganya malatsi.

3Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe; ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe.

4Gonne Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa segolo; o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe.

5Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela; mme ene Jehofa o dirile magodimo.

6Tlotlo e fa pele ga gagwe le borena; thata e mo felong ga gagwe ga boitshepo, le bontle.

7Ntshetsang Jehofa, lona ditshika tsa ditšhaba; nayang Jehofa kgalalelo le thata.

8Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; tlisang tshupelo, mme lo tle mo malwapeng a gagwe.

9A ko lo obameleng Jehofa mo bontleng jwa boitshepo; a lefatshe lotlhe le rorome fa pele ga gagwe.

10Buang mo merafeng, lo re: “Jehofa o a busa; lobopo le lone lo nitame, ga lo kake lwa tshikinngwa; o tlaa atlhola ditšhaba ka tekatekanyo.”

11A magodimo a itumele, a lefatshe le ipele, a lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone.

12A naga e kgane ka boitumelo, le tsotlhe tse di mo go yone; ke gone ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di tlaa opelang ka boitumelo,

13fa pele ga Jehofa, gonne o etla; gonne o tla go atlhola lefatshe; o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo, le ditšhaba ka boammaaruri jwa gagwe.